MABAKA A KAELO (TR) A THEBOLO E E FAPHEGILENG YA TSELA YABOITSHWARELO JWA PORESITENTE TEBANG LE BATLOLAMOLAO BA BA
RILENG
E RE LE MORORO go na le batho ba ba bonweng molato wa go dira melato e ba dumelang gore e ne e dirwa go latetswe maikaelelo a sepolotiki;
GAPE E RE pele ga tshimololo ya paka e Molaotheo o moša le morago ga yone, melao ya boitshwarelo le tshireletso e ne ya tlhongwa le go dirisiwa go farologanya molato wa bosenyi (le mo mabakeng a mangwe a loago) le /kgotsa go phimola go bonwa molato (ke dikgotla) ga batho ba ba dirileng melato pele ga 1994 mme e le melato e e bakilweng ka ntlha ya dikgotlhang tsa lobaka lo lo fetileng, [ka maikaelelo a sepolotiki] mo direkotong tsa bona tsa bosenyi, dipeomoalo tsa go nna jalo, e bong, Indemnity Act (Molao wa 35 wa 1990), the Further Indemnity Act (Moalo wa wa of 1992) le Promotion of National Unity and Reconciliation Act, 1995 (Molao wa 34 wa 1995)("the TRC Act"), di khutlile mme di ka se tlhole di dirisediwa go itebaganya le morero o o leng teng ga jaanong
GAPE E RE Poresitente a sekasekile melawana yotlhe ya semolao e e lebaneng, mme a sa bona dikgato tse di leng teng tse di siametseng go itebaganya le kgang e go mekamekanwang nayo ya jaanong
GAPE E RE Karolo 84 (j) ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao wa 108 wa 1996) jaaka o tlhabolotswe e laola gore Poresitente o "rwele maikarabelo a go itshwarela kgotsa go golola batlolamolao le go phimola ditefiso dipe, dikotlhao kgotsa dikgapelo".
GAPE E RE fa Poresitente a boletse thebolo e e faphegileng ya go wetsa merero e e tabang le go bonwa molato ga batho ba go twang ba dirile melato ba setse morago maikaelelo a sepolotiki.
KA JALO JAANONG:
Setlhopha sa Kaelo (RG) se se agilweng ka baemedi ba makoko a sepolotiki se a tlhongwa jaanong.
Mo kopanong ya ntlha Setlhopha sa Kaelo (RG), ditokololo di tshwanetse gore di tlhophe go tswa mo gareng ga tsone Modulasetulo yo o tla laolang dikopano tsa Setlhopha sa Kaelo (RG).
MAIKARABELO SETLHOPHA SA KAELO (RG)
Go amogela dikopo tsotlhe boitshwarelo tse di tlhotlhilweng go tswa go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
Netefatsa gore kopo nngwe le nngwe e tladitswe ka tsela e e beilweng.
Sekaseka kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo le go dira dikatlanegise tse di yang kwa go Poresitente .
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tshwanetse go itirela melawana ya sona le ditsamaiso fa se sekaseka kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo ka maikaelelo a go dira dikatlanegiso tse di yang go Poresitente go lebilwe kopo nngwe le nngwe.
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tshwanetse go bolelela Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) ka ga melawana ya sone malatsi a somenne a ise a wele go simologa ka kopano ya RG ya ntlha.
TSHEGETSO YA TSAMAISO GO SETLHOPHA SA KAELO (RG)
DIKOPANO TSA SETLHOPHA SA KAELO (RG)
DITLAMORAGO TSA DITŠHELETE
Ga go tokololo epe e e tla duelelwang ditirelo tsa gagwe mo Setlhopheng sa Kaelo (RG).
Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) le tla nna le maikarabelo a go duelela Setlhopha sa Kaelo (RG) ditshenyegelo tsa dipaakanyetso le tsa mosepele.
Dithulaganyo tsotlhe tsa dipaakanyetso tebang le tiro ya Setlhopha sa Kaelo (RG) di tla dirwa ke motlhankedi yo o tlhometsweng tiro eo, yo o mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
LOBAKA LWA GO NNA TENG GA SETLHOPHSA SA KAELO (RG)
Setlhopha sa Kaelo (RG) se tla nna teng ka lobaka lwa go simologa ka letlha la kopano ya sone ya ntlha go fitlha ka letlha le go weditsweng merero ya sone go akarediwa ditlha tsoo pedi, mme letlha la bofelo ga le ka ke la nna morago ga 30 Lwetse 2008.
KE MANG YO O TSHWANELWANG KE GO ITSHWARELWA
Batho ba ba neng ba bonwe molato e bile ba atlhotswe fela ka ntlha ya go bo ba dirile molato o o tlhotlheleditsweng ke sepolotiki pele ga Seetebosigo 16, 1999, le
Batho ba mabaka a bona a dumalanang le dintlha le ditsamaiso tse di beilweng mo foromong ya kopo, ba ka nna ba kopa Poresitente go ba itshwarela ka tsela e e beilweng.
Motho o tla tshwanelega go sekasekelwa boitshwarelo fa -
motho yoo ga jaanaa a diragatsa kotlhao ya kgolegelo kgotsa a duela tefo;
ii a ne a atlholetswe lobaka la kgolegelo kgotsa go duedisediwa molato o o tlhagileng go tswa go kgotsa o o tebang le, tiro kgotsa go sa dirwe ga sengwe se se amanngwang le maikaelelo a sepolotiki mo go dirilweng mo ditiragalong tsa dikgotlhang tsa nako e e fetileng;
molato o o umakilweng mo moleng wa (a) o dirilwe ka kgotsa pele ga letlha la go tlhonwga ga Poresitente ka 16 Seetebosigo 1999; le kopo ya gagwe ya boitshwarelo e patagantswe le affidavit kgotsa tlhomamiso e e filweng kgotsa e e tlhomamisitsweng ke motho yo o rebotsweng ke lekoko la sepolotiki kgotsa lekgotla, setheo, mokgatlho wa kgololesego, e mo go yona go tlhomamisiwang gore tiro e e dirilweng kgotsa selo se se sa dirwang se e neng e le molato o go buiwang ka ga one, e dirilwe ka taolo kgotsa ka tiragatso ya taolo, thomo, kgotsa molao, kgakololo, leano kgotsa porojeke ya kgotsa mo boemong jwa kgotsa ka thebolelo ya, kgotsa ka tsweletso ya, tsholetso kgotsa phitlhelelo ya melao-tsamaiso (dipholisi), maikaelelo kgotsa dikgatlhego tsa lekoko, lekgotla, setheo, mokgatlho wa kgololesego kgotsa setlhopha se mokopi a neng a le tokololo, morongwa kgotsa moetleetsi wa yona.
KE MANG YO O SA TSHWANELENG KE GO ITSHWARELWA
Motho ga a ne a tshwanelwa ke go fiwa boitshwarelo fa -
a atlholetswe molato o o tebang le:
molato ope o o omanang le thobalano;
ii molato ope wa mofuta wa dikgoka le ketekano ya balelapa, iii molato ope o o umakilweng mo karolong ya 13 ya Molao wa Ditagi le Thekiso ya Ditago Drugs and Drug Trafficking Act, 1992 Act 140 of 1992, o o tebang le go dirwa le theleso ya ditagi tse di kwadilweng, tiriso le go nna le ditagi mmogo le go gweba ka ditagi;
a isitse kopo go Komiting ya Boitshwarelo e e tlhomilweng ka fa tlase ga Moalo wa TRC mme kopo ya gagwe ya boitshwarelo e gannwe; le fa a sa tshwanele ditlhokego tsotlhe tse di beilweng pele ga kgotsa ka nako ya lobaka lwa dikgwedi tse tharo tsa "patlha ya tšhono" e ise e wele.
GO TSENNGWA GA KOPO
Ke dikopo fela tse di tladitsweng sentle le gone ka botlalo ka tsela e e beilweng, go akarediwa mo foromong e e rulagantsweng bogolo segolo thebolo e e faphegileng e, mo pakeng ya "phatlha ya tšhono" tse di tla sekasekiwang.
Ke kopo fela e e isitsweng ke motho ka boesi e e tla sekasekiwang. Kopo e tshwanetse go dirwa ke mokopi ka boesi jaaka go beilwe le gore kopo e isiwe kwa Lefaphang la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD).
Lekoko la sepolotiki le mokopi a leng tokololo ya lone, le lone le ka nna la isa kopo go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) mo boemong jwa mokopi.
Fa go ka diragala gore kopo e e tsenngwe ke lekoko la sepolotiki mo boemong jwa mokopi, lekoko leo la sepolotiki le tshwanetse go:
netefatsa gore kopo e tladitswe ka tsela e ebeilweng;
netefatsa gore mabaka a ago buiwang ka ga one a tsamaelana le ditiragalo / ditiro tsa sepolotiki tse lekoko la sepolotiki le neng le tsaya karolo mo go tsona.
DIKATLANEGISO KA SETLHOPHA SA KAELO (RG)
Dikatlanegiso tsotlhe tse di dirilweng tebang le dikopo tsa boitshwarelo di tshwanetse go isiwa kwa go poreisidente.
Dikatlanegiso tsa Setlhopha sa Kaelo (RG) di tla dirwa tenang le kopo nngwe le nngwe ya boitshwarelo.
Katlanegiso e e dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG) tebang le kopo nngwe le nngwe e tshwanetse go supa bontsi mmogo le bonnye jwa megopolo ya ditokololo, fa e le teng, tebang le kopo nngwe le nngwe.
Poresitente o na le maatla a go gana dikatlanegiso tse di dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG).
MAATLA A GO ITSHWARELA
Poresitente fa a sena go sekaseka dikatlanegiso tse di dirilweng ke Setlhopha sa Kaelo (RG) o na le maatla a go naya boitshwarelo kgotsa go gana go itshwarela.
Ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go itshwarelwa ke Poresitente.
Go naya boitshwarelo go motho ope go tla dira gore go phimolwe ponomolato le rekoto ya bosenyi ya molato o o itshwaretsweng.
Dipotso:
